Want a t-shirt with your clans? click here to see pictures

Sereto sa Lekaba

Morwa Boikanyo

Morwa Lekaba

Pelesa e mogala ga re eje re etaka ka madila patlheng re e belese ka makuka re eise gae

Kana wena o Morwa letsholo o menwe ke raya ya mabogo le maoto

O kana ka photshana motho aka go akgola ago tshwantsha le ngwedi le naledi

Kana setlhare se mo kgotlheng

Motlhogapele Makolwane ba se nna moriti se nnwa ke Thekiso le Boikanyo okile wa ikangwa ke morafe le kgosi ka okile wa tlhabanela Marena .

Okile wa supa ka tshaka wa itaya ka thebe fa fatshe

Ke ale Matebele ba wele le noka ya ngotwane ka ba tshabile wena !