BAROLONG BOO NTHUA A MATHIBELA BA
BINA THOLO LE TSHIPI
Ke ba bina tholo e e yareng e gata bojang bo lelaane, ee jang mogope e o lala le tshipi e bathudi kwa huhudi ba ileng ba ntsha ka kopa molomo, bare, “Tshipi e a re hisa gape.” Barega e gakologe e kgonega hela fa e gakolosiwa ka makala.
E bile ga e batle motho a ithuta go thula; e batla baitse noto. Ga e batle bathudinyana; e batla bathudi tota.
Ha Sentshung! Ha Mokomokomone! A Ngwanyana!
A itlhomole a boe ka meno a ledisа.
Hee! Rratshitlho-wee! Hee! Rabotumile.
A na lo batlang, boorrasegopolo, ka ngwana lo mo itatotse? Masori a jelwe ke Tshaka-Mohibidu, badineedi ba tsone ba tlhapile sekganatha.
Hee! Rratshitlho-wee! Boorrasegomotso boo Kopa oo Maseng,
Ba yareng ngwana a soloheditswe patlo a nne a okomele ka matlhare a sheba gore a ba ba tlang go mmatla ga ba tle.
Mmaloba tholo e itsalantse le kgomo le sehutshane; gompieno e hetotse mawa e itsalantse le buka, yone khumo ya yone ga e tlhale go ya hela gore a o na le mala a go e sila. Basetsana le basimane ba e tlhauna ka go tshwana go ya hela gore boboko bo amogela go le kae.
Namane ya tholo senonori se se matlho matala, se basadi ba se tshaba, ba se apeela ditoo.
THOLO !!
Educational videos
🔍 SEARCH 🔍+ ADD CLAN NAMES▶ UTube Channel