Magema,
Khana,
Khuboni kasiwela,
Wena owadla inyama washiya ububende!
Zenzile clan names
Zulu, Skhoma, Changisa, Kgodolo!!
Izithakazelo zakwaNashwa Clan Praises
Magadla bengalindele,
Wena ongasabi luthu njengensele,
Boya bengwe,
Wena owasinda ukufa ngesikhathi ubhukud’ esizibeni sengwenya!
Morena clan praises & Origin
Bakoena Ba Nkopane Ba Mafatle
Ke Morena Hrh Joseph Senneng Mafatle II ke yena Kwena e ntsho.
Ke setlhapa ka bolele, mosamo we ge, e le motlhaba, ke si ngwa ya ka lonaka lwa noka e kgholo ya Odi.
Ba re ge sa ya Odi, ke ya legapshwane, ke Kwena E ntsho, ya mamodiana wa Tua le fifi la mo Kwena.
E reng e tswa, e tlhola maimane, e tswe, e eme ka maru a kwiting.
Ke kghakgharapa ya mangana, ke tlhasedi, kwa mma mme tlhase.
E tlhasestse metse ya batho, e tlhasetse bo Rra ngkgosokwana Mathebele, ya re bosigo ka nthobonthobo, baratani ba sa ntse ba letse, ngwetsi ya tswa e tshotse le kghabe, ba re o tshaba eng, o ntse o le mogatsa Mogale, o ntse o le mogatsa si i kokobetsi tibogong.
Kwena e tsene le kgomo sefelong, e tsene le kgomo bodibeng botsho, beng kghomo, ba o ka o ka Bodiba, ba o ka, o ka Bodiba, ka medube le megokare, ba o bonega bodiba, jo bo tse nweng ke Kgomo.
Ga sutlha tshwana, ga sutlha thamakgha, e ntse e le tsona di kghomo tsa Bogadi.
A re, ke se phutha batho dinao bosigo, e re bosa, ke ba phutholole, gore yo o lorang le huma, a lo ithorele, yo lorang Pula, a re e lorele.
A Pula e ne le Bakwena Pele, mme morago, e bo e nele bagisane, le ba dichaba, e seng gongwe ba re fufegela.
Ka na, se lo se, phufo le letlhoyo, ke mawelana, di ya thoteng di bapile.
Rata sa gago Kwena, Mme o se tlhoye sa o pe, a e goroge Kwena, a e, ga ga be Kwena, Pula !!