izithakazelo

Matsunyane Clan Names, Meaning, Origin & History

Pôkô ya BaTsôpye ba Songoane.

Ke ba Matsunyane wa RraSeinola, kwa Matsunyane o a aparela.
Aah!!! O pelo morwa Matsunyane fa o tsaya motse o o baya mo tseleng?
Ke motho wa kgomo mpolokeng, ke na le molemo, mogaswa wa ka le a nkapara, ‘namane tsa ka le tsaya basadi ka tsona.
Ba morwa kgomo setlhoka monamoledi, lona le ntse le re le babina kgomo, le kgomotsa kae, etswe rona babina kgomo re kgomotsa didibelong?
Ke batho ba mafura a motlouwane ba sekeng ba o tlola; ba ntse ba tlotsa badidi dipala.
Ke dipholo bo Ramokolokolo, e le ba bo Kolobe makonkonyane; ba ba reng magosi a bone a tletse lefatshe lotlhe.
Rraagwe o tso boa kwa Ntwane; Kgatjikwe o tso hulara ko mabalaneng; Ga e le Radipelebele ene o fa Kgwadubeng.
Ke ne ke se setlaela ke ne ke se mmaefudi; ke ne ke le ngwana wa kgoro e telele ya ba morwadi wa bo MmaKele.
Ke batho ba morwa gadima o le tseye rungwana la MoTswana, batho ba bo Diale wa Songoane ba botse ba re; “O pshwinyetsang o ya baDimong? O ka pshwinya o le mo lefatsheng re tla re go ja ditshego! Waa waa waa!!!

Neo M. Matsunyane

Previous

Mameta Clan Names, Meaning, Origin & History

Next

Morabane Clan Names, Meaning, Origin & History

3 Comments

  1. Neo M

    Pôkô ya BaTsôpye ba Songoane.

    Ke ba Matsunyane wa RraSeinola, kwa Matsunyane o a aparela.
    Aah!!! O pelo morwa Matsunyane fa o tsaya motse o o baya mo tseleng?
    Ke motho wa kgomo mpolokeng, ke na le molemo, mogaswa wa ka le a nkapara, ‘namane tsa ka le tsaya basadi ka tsona.
    Ba morwa kgomo setlhoka monamoledi, lona le ntse le re le babina kgomo, le kgomotsa kae, etswe rona babina kgomo re kgomotsa didibelong?
    Ke batho ba mafura a motlouwane ba sekeng ba o tlola; ba ntse ba tlotsa badidi dipala.
    Ke dipholo bo Ramokolokolo, e le ba bo Kolobe makonkonyane; ba ba reng magosi a bone a tletse lefatshe lotlhe.
    Rraagwe o tso boa kwa Ntwane; Kgatjikwe o tso hulara ko mabalaneng; Ga e le Radipelebele ene o fa Kgwadubeng.
    Ke ne ke se setlaela ke ne ke se mmaefudi; ke ne ke le ngwana wa kgoro e telele ya ba morwadi wa bo MmaKele.
    Ke batho ba morwa gadima o le tseye rungwana la MoTswana, batho ba bo Diale wa Songoane ba botse ba re; “O pshwinyetsang o ya baDimong? O ka pshwinya o le mo lefatsheng re tla re go ja ditshego! Waa waa waa!!!

    Neo M. Matsunyane

  2. I would like to know clan name for Matsunyane please

  3. Naomi

    What is the clan name for Matsunyane

Leave a Reply to Naomi Cancel reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Powered by WordPress & Theme by Anders Norén