Ke tlhahledi ya phuthi
Ke tlhahledi ramoremotadi ya tlhogo
Nare e tsene mabele a batho
Moshakgatledi e re mong wa mabele a itire fela
A tlhabiwa tlhogo ke nare ya mabese
Nare ya bo ntshoke , le ya bo lapana
Lona lo ilang pitse ya makgowa
Le ila puba le ila thamagana
Leila puba e esenang mafura
Ramotlhabatsi o robile legong diphatsa tsa tlola tsa tlolela go o mokhura
Tse dingwe tsa tshela, tsa tshelela maroborobong.
A kelele legadima le lesesenyane mothaladi
Le ntseng le nyabetsa nyabetsa go le gonye le le kgakala
Mme kana ga leriana leiletsa Malete go aba di nama Le iletsa Malete go Sega dihuba
Heelang lona basadi bo Mmadintanyana bo Matebele
Lo a reng lo tla lo sa tswala mosese
Le tswadisitswe kebTlhahlediaputhi
Mmamogapi yo o gaping Moses
O gamola selo se okame nnate
E bile o selo se okame ntshotshomela
Hamolang di magareng dialwa
Phelehu e lwa le khunong.
Leave a Reply