Tsatsi
Ke kubu kubu
Ntsha marota re bone
O e anang le o sa e aneng
Ke motho wa Thokoana Makoropo
Kgomo e lemile dinaka
Motho wa bo Mmasoana a Tshoana

Ke lekobo kobo le ko Molokoana
Le ntse le re; kobo kobo
Thapedi ya bo Mmamosa
Banna ba tshwere
mofenyane wa selepe
Ba tea tea e ka ba bolaya noga
Nonyana e tswa lebese e se kgomo

Kubu kubu ntsha marota re bone
O e anang le o sa e aneng
Ke morwa Thokoana Makoropo
Kgomo ya bo rra Moipei
Kgomo ya bo rra Selemane
Kgomo e lemile dinaka
Bakubung

Ke kubu