If you know its Meaning, Clans or History, please add it by making a comment below.
Tag: maqina Page 1 of 52
If you know its Meaning, Clans or History, please add it by making a comment below.
Leave a Reply
Zwane, Mangweni,
Zikodze, Shangase,
Mangweni loluhlata njengencoshane,
Nselendvuna, Nsele yemangweni,
Tfwalatfwala sensele,
Wena watfwala silo sensele ,
Wena wadla insele kantsi waseNseleni,
Lindzumkhontfo,
Wena wamafu akalingani ngaphansi nangetulu ,
Wena wejojo kaMangetse,
Mangetse waNtjenteka, Shobane,
Nibahle boZwane njengetinkhwapha tetimphala na liyoshona lilanga !
Sereto sa Rantao
Ntao wa mare a majaga a Matebele
Morwa kobo ya Tau
O go tilweng kgomo e lla e okometse Lepele
E lla e okame BitsweE lla e potile Tswenyane morago
Badisa le e Bokolotseng
Lo e Bokolotseng
Lo be lo e gogeng ka Melodi banna Ngwana wa ga le masa-masa wa moloi
O re bolelela a Matebe o aka
O re pitse di fula kwa Tlhabelang
Ngwana wa ga leropolotso le le Maoto a mane
Le Maoto matlhano le a tabogaKa le sale le tlhola le faloutsa lotsatsa
Le duma jaaka ntshwe wa motsetsi le rekana felo fa go swetseng rremogolo-golwaneke ago itse
Go Matubako
Go Maoto a batho.
Ebile go Makgolela a Marumo o motho!
Mongatana.
Yo go tweng motho montsho mongaparela batho
O ne a betsa motho ka letswele a feta
A bowa a betsa o mongwe ka letswele a feta
Batho ba gagwe ba sala ba sule ba ntse dikgora
Ba sala ba sule ba ntse dithotho
Ba sala ba sule ba ntse dikgogora botlhe
Noga e ntsho ya bo MmaMarenyane
E ntse e itoga semelemethe
E itoga semelemethe le maje a Botlo we etswa kwa mosimeng e ise etswe yotlhe
Basadi bale ba -a-Rantao ba kae
Bo Seaomeng le Maitato
Ba kae ba sa tle go mpokisa Tshwene
Ba bona tshwene e galefile Matlho a yona a talafetse
A talafetse o ka re bolele jwa noka ya kolone!
Leave a Reply