Bantsijang weee, Bantsijang weee, Motlhaping oo Molefe
Molefe oo Phuduhudu le Phuduhutswana, oo Tau ko lowe
Morolong, mmina Tholo a ja Tlhapi, magana go buswa, ka le ene ele Kgosi!

Ke molelo o Mpete kokobolo Tlhapi kgole e ntsho e e sa tshwarweng ke monna a sa bofa lotheka la borokgwe
Ke senkga phoka ngola la pula
Tlhware ya go bolawa ke mosadi banna ba e tshaba
Seila NtΕ‘a le motho
Selatswa ke kgomo le phologolo tsa metsi

Mosadi fa ale ratla la Tlou ga a ralale motlhape wa kgomo tsa ga rraagwe ebile ga a ore matlhaku a saka la gaabo.
O irileng Mokwepa o bolaile kgomo tsa Batlhaping a tsoga ka makuku a naka tsa kgomo a apaya mogetlo mme a o rwala ka tlhogo a ya kwa dikgomo di swetseng teng, mme yare e a mo loma ya wela mo mogetlong
A kua mokgosi banna ba tla ba taboga
Ba fitlhela a ipofile lotheka ka yone, are ga ke mosetsana ke mosadi ngwetsi ya Batlhaping.
Bare ba mo neela bogosi a bo gana are o tshaba boloi.

+ ADD YOUR CLANS πŸ” SEARCH πŸ”

Previous

Izithakazelo zakwa Jali clan praises & History

Next

Izithakazelo zakwa Nhlozi clan names & History

guest
0 Comments
Inline Feedbacks
View all comments