Want a t-shirt or hoodie with your clans? click here to see pictures

Sereto sa ba Moagi

KUU—rru
Ke Motswakhunana wa Rakau le Makobotwane
Ke dikurwane tsa Mmantlkakane di Shisha merekotso
Ke bana ba letswele le leweleng maphata ko Makobotwaneng
Ke bana ba Ncheche le Kwadiba
Sethunya se se latlhilweng ke leshoro, monna wa Moagi, ga a se latlha omphiele sona
Ka thuntsha ka sona dithathariona
Ge se re THUU- ga phaphana maeba ka ditshilwane tsa merope
Se thuntsietse Moagi le Malatse
Ge o se na tshimo o be le moriri wa tlhogo
Ge o se na moriri wa tlhogo o be le dinta mo tlhogong
Kwa gaetso kwa ga Moagi ga re kgobe ka dilo tsotlhe
Ke motho wa bo Dikota tsa bo Molefyane le Nkeru
Ke diboba tsa metlhaka, ke metshikaro e e mahuto
Ge re bolayane re a omaomana
Mokgaatla ge a se nnyana o ikoketsa ka kuane
Babui ba kubu ba e buela letjibogong yo mongwe a re
Setho se ke sa ka, yo mongwe a re setho se ke sa ka
Motswakhunwana a re nna mpheng sebete e seng letshwafa
Rena Batswakhunwana ga re je letshwafo ka gore letswafo ke nama ya mafyega
Ba re Moagi wa Legasane, o tsere kae dikgang tse di monate tse?
Ka re dikgang tse di monate tse ke ithutile tsona
Dikgang tse di monate tse ke ithutile tsona ken a le Motsepe
Kgosi ya Bakgatla ba Mmakau le Tabane wa bo Modise wa bo Tlholwe
Le Moumakwe wa bo Moagi le Mabuse wa ba Digamela !!


More information is available on our YouTube channel