Want a t-shirt or hoodie with your clans? click here to see pictures

Babirwa Boora Moleele wa Ngwato a Molefe
Molefe
Ngwato- Tau – Letswalo
Moleele- Ramagoshi
Mpete-Moleele II-Rapushu-Motlalagotle-Modi
Morethebe- Galoaya
Letsekgo Samuel. evening
Mokete – Phuduga-Tsintsiri Gopolang – Aobak
Ntshekisang Johnson
Koketso Magnificent – Rebaone – Ntebogeng
Gopolang
Ke Batho ba Ga Mantotole balotola Mphale ba gana pudi e ja mongangale.
Bana ba Mpa ya Ga Mmaboleele jwa Metsi, phoka lengola la Pula,seilwa ke ntswa le Motho.se ratwa ke kgomo le diphologolo tsa Metsi. Ke Bora setla le Pitsi tsa Mokekolo, Disala Di Kae? Disala Di Setse Mooi river.Moleele OoRamokgosi, Poo e Khunou.
Moleele Ke ela Thaga Motlhakeng, Thaga ke Ila le BooMokadikwa Thatayatsela.Ka hare ka Mpete,Kgadi le Kgatsana ke Ditaola tsa Ga Autata Molala Kwa Ga Masepa.Bangwe ke ba Mogogoro wa Phuti ke Bapotswe ya ke ouma Dimapo ka di raga,Ke Mosimane wa Ga Mabiletsa ba ile ba biletsa sekgoma ntwa le Ene a ba e biletsa. Ke kgomo e e tsweleng Mo sekakeng gole bosigo, e Tokwa,E digwetla e siditsi Se sesweu Ga ya tshwaiwa ba e bone ha bokone bophirima maabane e thola Diplo ka tlhogo,Bangwe bare ke kgomo ya Mmangwato, Ke kgomo ya gone Kwa Mogalakwena,Kgomo Kgoduma Lerole, Modimo o o nko e Metsi. Babirwa wee!!!ee Kgomo dumela Kgomo. Bangwe ke ba Ga Ngele a Thongwane , ba boa bodima Malala Tshwene. Moleele Poo e khunou, ke kgale a ketaketa Makgabeng, a sa babalele go tia, Ke tibulola dibele tsa monna wa Makgabeng Moleele Poo e khunou.ke makuba a Ga Rrathobja, Monabaladi Mmetla dikoma, ya re dipitla melodi a tshaba,Moleele Oora Mokgosi Poo e khunou,Kgebetli sekgee Se ja magapu a Matswale.kgothumi kgothumisa diala le Tshato wa mala a matlhwana Moleele OoRamokgosi, Ke Mparara Tonkie tsa Bo Osaka , E Pana ka tigele e yosi, Moleele Poo e Khunou, le Mashona e a go itsi,bangwe ke ba Ga Tshantsita ya leruleng, makgwapaneng ke tla ekela ke ye go apela Matopana GammΓ naka tsa Monare.ke Bana Mpa ya Kekana letebele a Tshidia a Matlhodi, bohibedu jwa Tlou. Bahwaduba wee!!!.Nare kgoduma lerolo ngwana mmaNareng a kgomo. Ke kgomo ya naga ka dinaka tsa go petleka, Nare ya gona kua mogalakwena. Ke Nare ya lenaka la mokhure le hlabilego mosebudi, Lase hlabe la hlosa, Lenaka la boya ka madi le moshwang. DiNare weeeee, Nkile wa se bona kae sefolotsa sa Nare mara? Ga Nare ga gona sefolotsa, Sefolotsa sa Nare ke yona Nare. Ke wa makgalato a ngwato ke tsotshoma mokgotheng; Ke wa ga Phiri ya matshaba e rwele goya ka mahlong go thata, Phiri ya maakola sebata, Bare ga e akole eya tseya, E tseya makhura a kgomo tsa gabo yona. Makhura a kgomo tsa naga tsa borwa; Borwa weeee Agee Borwa bo letse bosa lala.Ke Bodiba Jo Bo reteletseng Kgatla ya RraMaite,Ke Bodiba Bo tlala bo iphetlha ka Bosi, Bodiba Bo tlala, wa Bo okomela wa wela, Bodiba wee!!!!.Ke ba baBirwa ba Mantotole ba lotolola Mphale, ba gana Pudi e ja Mongangale, ke ba Bina Nare Ba Ila Leeba, Agee Babirwa wee!!! Agee!!!


More information is available on our YouTube channel